Tlhwatlhwa ya theko ke tlhobaboroko mo bathong ba bantsi, segolo thata mo bathong ba lotseno lo lo kwa tlase. Dibuka, mo lebakeng le, e nna selo se e seng sa botlhokwa. Se ke bothata, segolo thata mo nageng ya palo e e kana ka 60% ya botlhokakitso ya go buisa le go kwala. Mokwadi le mojenalese, Terry Bell, (yo e neng e le morutabana, motlhabolodi wa lenanathuto le motseleganyi) o lemogile dikamano magareng ga tlhwatlhwa ya theko le kitso ya go buisa le go kwala. Temogo e e file Bell mogopolo wa go simolola petišene ya setšhaba go tlosa lekgetho la VAT mo dibukeng, mo kgatlhegelong ya go dira gore theko ya dibuka e kgonagale, mme ka jalo go rotloediwe kitso ya go buisa le go kwala. O tlhamile letsholo la Campaign Against Reader Exploitation (CARE) mme a bitsa letsholo le "Don't Tax Knowledge " - " A Kitso e se Duedisiwe Lekgetho".
Jaaka karolo ya go keteka World Book Day ka la 23 Moranang 2002 Laeborari ya Bosetšhaba e atlanegisitse letsholo le. Re batla go rotloetsa beng botlhe mo tirisong ya dibuka, go thusa mo tsweletsong ya petišene e go bona tshegetso ya setšhaba. Mo mafelong a Seetebosigo 2002 re ne re setse re bone tshegetso go tswa mo bathong ba ba 17 5000.
Khopi ya eleketeroniki ya petišene e ka kopiwa go tswa kwa go:
Gape khopi ya petišene e ka fekesetswa kwa go wena fa o e kopa.
Tshegetsa Kitso ya go Buisa/Kwala - Batla Dibuka tse di tlhwatlhwatlase
A KITSO E SE DUEDISIWE LEKGETHO
TSHEGETSA KITSO YA GO BUISA/KWALA - BATLA DIBUKA TSE DI TLHWATLHWATLASE
Mo dikgatlhegelong tsa "go aga setšhaba sa babuisi, rona ba re saenneng fa tlase, re batla gore dibuka di se ka tsa duedisiwa lekgetho (VAT). Se se tla bo se dumalana le dinaga tse dingwe tse dintsi, mme e tla bo e le kgatelopele e e lebisang kwa phokotsong ya ditlhwatlhwa tsa thekiso tse di kwa godimo tsa dikwalo tse di kwadilweng mo nageng e.
LEINA
ATERESE
TSHAENO
